Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Motho ka Bongwe

O amogelesegile mo Tshekatshekong ya Mekgwa ya Botlhokwa

Tsweetswee tlhopha puo ya gago.


Afrikaans 中文(简体) English
English (American) Français Português
Português (Brasileiro) Sesotho Tswana
isiXhosa isiZulu

 

 

Motsayakarolo yo o Rategang mo Khosong:

Re lebogela kgatlhego ya gago go tsaya karolo mo Katisong ya Karolo 1.

O tloga o dira Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Motho ya khoso eno. Patlisiso e tsaya metsotso e ka nna 10-15. O tshwanetse go araba dipotso tsotlhe tsa patlisiso ka nako e le nngwe gore dikarabo tsa gago di balelwe le tse dingwe. Kwa bofelong jwa patlisiso, o tla bona molaetsa wa gore dikarabo tsa gago di tsentswe ka katlego.

O tla kopiwa go tlhopha mafoko a le 10 mo lenaaneng la mekgwa ya botlhokwa/maitshwaro.

Pele ga o dira tshekatsheko, re go kopa gore o tlhomamise gore o amogela gore o dumela gore o tla boloka khupamarama ya BVC.

Boikaelelo jwa tumalano eno bo gabedi:

Mengwe ya mekgwa ya botlhokwa ya konokono ya khamphane ke “go senang sephiri.” Ka tsela eno, go raya gore re ikemiseditse go abelana le bagolagani ba maloko a rona a CTT (ba ba feditseng Karolo 1 ka katlego) tshedimosetso e dikhamphane tse dingwe di sele di ka e tsayang e le ya khamphane. Re dira seno ka gonne go ntlafatsa bokgoni jwa gago jwa go direla ditlelaente. O gololesegile go ruta ditlelaente tsa gago (tsa mo teng le tsa ka kwantle) ka ga dikao tsa CTT, le fa go ntse jalo ga go letlelelwe go dira se se tshwanang le Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao (Cultural Transformation Tools). Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao ka metlha di tshwanetse go dirisiwa go dirwammogo le BVC. Seno se solegela mongwe le mongwe molemo. Re tlhamile sedirwa sa maemo a a kwa godimo se se amogetsweng ke ba le bantsi mo mmarakeng. Boikaelelo jwa rona ke go boloka maemo a a kwa godimo ano gore re tswelele re tlhama Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao. Ka go tsena mo tumalanong eno, ga o sireletse tsadisomadi a gago fela ka go tsenela thapiso eno mme gape o thusa go sireletsa ditshwanelo tsa botlhale jwa BVC.

Weno ka boikanyego,
Richard Barrett

Tumalano ya Polokodiphiri

Khoso eno e naya didirisiwa tsa kafa Dikao tsa Phetolo ya Ngwao tsa BVC SM le Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao di dirisiwang ka teng ® mme e akaretsa tshedimosetso ya khupamarama le ya BVC e e tlhamilweng ke yone. BVC le Motsayakarolo wa Karolo 1 ba dumalana le tse di latelang:

1. Lenaane la Dikao tsa Phetolo ya Ngwao SM le bontsha mo Lenaneo 1 le tshedimosetso e e amanang le tiriso mme ka gone e ka dirisiwa ka phuthologo ke Batsayakarolo ba khoso eno ya thapiso. Mo godimo ga moo, Motsayakarolo o ka nna a thapisa batho ba bangwe go dirisa Dikao tsa Phetolo ya NgwaoSM tse di bontshitsweng mo go Lenaneo 1.

Table 1: DIKAO TSA PHETOLO YA NGWAO SM

  • Maemo a Supa a Go Ikitse
  • Maemo a Supa a go Itse Kgwebo
  • Maemo a Supa a go Itse Boeteledipele
  • Setshwantsho sa Ditlhoko tsa Kgwebo
  • Tiro ya bo Goreng ba Bane

2. Lenaane la Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao ® tse di bontshiwang mo go Lenaneo 2 (gammogo le Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao tse dingwe tse di tlhamilweng ke BVC tse di akaretsasng tiriso ya didirisiwa tsa go tsaya karolo ga tlelaente) le tshedimosetso malebana le tiriso ya seo e ka nna ya dirisiwa kgotsa ya lotlegelwa Motsayakarolo fela fa (a) go tsaya karolo ga tlelaente ya Motsayakarolo kgotsa khamphane ya Motsayakarolo mo Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao ® didirisiwa tsa patlisiso di dirisiwang. Ntle le jaaka go letlelelwa mo seeleng se se fetileng, Motsayakarolo ga a tshwanela go (a) dirisa Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao ®, (b) go thapisa batho ba bangwe go dirisa Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao ®, (c) go dira dikhopi tsa didirisiwa tsa khoso ka boikaelelo jwa go thapisa batho ba bangwe go dirisa Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao ®, (d) go tlhama didirisiwa le didirisiwa tsa patlisiso tse di dirisang Didirisiwa tsa Phetolo ya Ngwao ® mokgwa wa go dira kgotsa tiro ya patlisiso.

Lenaneo 2: DIDIRISIWA TSA PHETOLO YA NGWAO ®

  • (Didirisiwa tsa Patlisiso)
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Motho
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Setlhopha
  • Tshekatsheko ya Tlwaelo ya Kgwebo
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Boeteledipele
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa le Maitshwaro a Boeteledipele
  • Tshetsheko ya Mothapiwa yo o Tlogelang Tiro
  • Tshwanelelano ya Dikhamphane tse di Kopanang
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Mokatisi
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Tlelaente
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Sekolo
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya mo Phaposiborutelong
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Setšhaba
  • Tshekatsheko ya Mekgwa ya Botlhokwa ya Setšhaba

Tsweetswee bolela gore o dumalana le melawana le maemo a Tumalano ya Polodidiphiri ka go tobetsa Tswelela.

0% complete

Copyright © . Cultural Transformation Tools® (CTT) is a trademark of Barrett Values Centre | Privacy Policy